|
Magatwe a mangwe ke gore tshwetso e setse e tseilwe ke batsamaisi. Se ga se nnete. Batsamaisi, fela jaaka popego tsotlhe tsa borerisani, ba tshwanetse go sekaseka mekgwa yotlhe e e ka dirisiwang go oketsa go tsena ga baithuti le go oketsa katlego ya bone mme gotlhe go tsamaisane le bokgonitswelelopele ba yunibesiti e le morafe mme e le setheo. Setlhopha sa Tiro sa go boeletsa Pholisi le Leano la Dipuo ke setlhopha sa tiro sa Senete. Ka kemo e, pholisi ya dipuo e tshwanetse go dumelelwa ke Khansele mmogo le tumelano ya Senete. Khansele e tla sekaseka ntlha e morago ga go rerisana le go gakololwa ke mefutafuta ya batsayakarolo. Le fa go le jalo gore karolo ya tiro ya setlhopha sa tiro ya ditherisano, e le thuno ya dipuo ka dipotsolotso e e tla diriwang go amogela kitso ka temokerafi ya dipuo, ditlhokego le dithato, se ga se reye gore thuno e ke referantamo. Go tshwanetse go tlhaloganngwe gore go amogela pholisi ya dipuo ke kgang e e thata ka mabaka a mantsi go na le gore ke kgang e e nnang le karabo fela ya "Nnyaa" kgotsa "Ee" go tlhopha Seaforikanse kgotsa Seesimane.
|